Baperofeti ka metlha ba ne ba boloka ditso tsa losika.
Mme go ne ga diragala gore ntate, Lihae, gape a fitlhela mo dipapetlaneng tsa borase losika lwa borraagwe; ka jalo he a itse gore ke kokomana ya ga Josefe; ee, le ene tota Josefe, yo e neng e le morwa Jakobe yo o neng a rekisiwa mo Egepeto, a ba a babalelwa ka seatla sa Morena, gore o ka tla a babalela rraagwe, Jakobe, le botlhe ba ntlo ya gagwe mo go nyeleleng ka tlala.
Lehi o bona ditso tsa losika lwa gagwe mo dipoleiting tsa kgotlho mme o ithuta gore o tswa mo go Josefa wa kwa Egepeto.
Bonang, barwaaka, ke eletsa gore lo gakologelwe go tshegetsa ditaelo tsa Modimo; mme ke eletsa gore lo begele go batho mafoko a. Bonang, ke lo file maina a batsadi ba rona ba ntlha ba ba duleng kwa lefatsheng la Jerusalema; mme se ke se dirile gore fa lo gakologelwa maina a lona lo ka ba gakologelwa; mme fa lo ba gakologelwa lo ka gakologelwa ditiro tsa bone; mme fa lo gakologelwa ditiro tsa bone lo ka itse gore go builwe jang, e bile go kwadilwe, gore ba ne ba le molemo.
Helamane o ne a rea barwa ba gagwe maina a bagologolo ba ba siameng gore go gakologelwa maina a bone go ba gakolole molemo wa borraabone.
Jaanong perofeso e Atamo o e buile, jaaka a ne a tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo, mme lotsalo lwa bana ba Modimo lo ne lwa tshegediwa. Mme se e ne e le buka ya ditshika tsa ga Atamo, lo re: Mo letsatsing leModimo a tlhodileng motho ka lone, mo setshwanong sa Modimo a mo dira;
Go tloga mo malatsing a ga Atame, go ne ga bolokwa ditso tsa losika tsa bana ba Modimo, pego ya ntlha ya lelapa e e kwadilweng.
Mme dipolelo tsa borre, e bong bapatiriaka, mabapi le tshwanelo ya Boperesiti, Morena Modimo a di dibela mo diatleng tsa me; ke gone ka moo kitso ya tshimologo ya tlholego, mme le gone ya dipolanete, le ya dinaledi, jaaka di ne di itsisitswe borre, ke di tshegeditse le e leng go fitlha mo letsatsing le, mme ke tlaa leka go kwala dingwe tsa dilo tse mo polelong e, go thusa kokomana ya me e e tlaa tlang morago ga me.
Aborahame o ne a boloka direkoto tsa borraagwe mme a kwala ka ntlha ya losika lwa gagwe lo lo tlang.

Ke ka tswa ke neetse thanolo e e motlhofo ka ga se, mme e motlhofo mo go lekaneng go dumalana le maikaelelo a me jaaka a ntse. Go lekane go itse, mo kgang e, gore lefatshe le tlaa itewa ka phutso fa e se go na le kgokagano e e tshwaraganeng ya mofuta mongwe kgotsa e nngwe mo gare ga borrabana le bana, mo thutong nngwe kgotsa e nngwe—mme bonang ke efe thuto eo? Ke go kolobelediwa baswi. Gonne rona kwantle ga bone ga re kake ra dirwa boitekanelo; le fa e le bone kwantle ga rona ga ba kake ba dirwa boitekanelo. Le fa e le bone le e seng rona ga re kake ra dirwa boitekanelo kwantle ga bao ba ba swetseng mo mo efangele le bone; gonne go a tlhokega mo tshimolodisong ya tebalebelo ya metlha e e feletseng, tebalebelo e jaanong e simololang go tsena, gore tshwaragano mmogo e e feletseng le e e tletseng le e e boitekanelo ya ditebalebelo, le dilotlele, le dithata, le dikgalalelo di ka diragala, mme di senolwe go tswa ka malatsi a ga Atame le e leng go fitlha nako e. Mme e seng fela se, mme dilo tseo tse di iseng di ke di senolwe go tswa kwa motheong wa lefatshe, mme di ntse di fitlhetswe ba ba botlhale le senokopela, di tlaa senolelwa bana ba bannye le ba ba anywang, mo go e, tebalebelo ya metlha e e feletseng.
Tiro ya baswi ke “kgokagano e e tshwaraganyang” e e kopanyang dikokomana go nna bongwe jo bo boitekanelo.
Bakaulengwe, are tlaa seka re tswelela mo ntlheng e kgolo jaana? Tswelelang pele mme e seng go katela morago. Bopelokgale, bakaulengwe; mme tswelelang, tswelelang mo phenyong! A dipelo tsa lona di itumele, mme di ipele thata. A lefatshe le ponyege mo go opeleng. A baswi ba bolele difela tsa kgalaletso ya bosakhutleng kwa go Kgosi Immanuele, yo o tlhomileng, pele ga lefatshe le nna teng, seo se se tlaa re nonotshang go ba rekolola go tswa mo kgolegelong ya bone; gonne magolegwa a tlaa gololesega.
Pitso e e itumedisang ya ga Joseph Smith ya go tswelela pele mo go rekololeng baswi, gonne magolegwa a tlaa gololesega.
Bonang, letsatsi le legolo la Morena le gaufi; mme ke mang yo o ka itshokelang motlha wa go tla ga gagwe, mme ke mang yo o tlaa emang mogang a bonalang? Gonne o tshwana le molelo o o tlhaolang, le jaaka sesepa sa motlhatswi, mme o tlaa nna jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera, mme o tlaa ntlafatsa barwa Lefi, mme a ba ntlafatse jaaka gauta le selefera, gore ba ka isetsa Morena tshupelo mo tshiamong. Ke gone ka moo, a re, jaaka kereke le batho, le jaaka Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, re isetseng Morena tshupelo mo tshiamong; mme a re supeng mo tempeleng ya gagwe, fa e fedile, buka e e nang le dipego tsa baswi ba rona, e e tla tshwanelwang ke kamogelo yotlhe.
Baitshepi ba lalediwa go isa mo tempeleng buka e e tshwanelwang e e nang le direkoto tsa baswi ba bone.